Profit (Maize) 										Setswana



A bantshakuno ba tshwanetse go bo ba dira dipoelo?



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Jenny Mathews, Modulasetulo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA.

 

Bantshakuno ba le bantsi ba ka bua gore poelo ga se lone lebaka fela la go dira temothuo. Ba rata lefatshe le diphatlha tse di bulegileng thata, kgotsa ba itumelela kemonosi e temothuo e ba nayang yona go tswa go dipopegotheo le maikemisetso a ofisi le setlamo. Fela gape bantshakuno ga ba kitla ba ganela gore dipoelo di botlhokwa mo kgwebong ya bona ka ditsela tse di farologaneng tse dintsi. 



Sa ntlha poelo ke sesupo sa katlego ya ditiro tsa montshakuno mme, go ikaegilwe ka dipoelo, montshakuno o kgona go rulaganyetsa katoloso kgotsa ditlhabololo, tse di tlaa tokafatsang katlego ya gagwe ya pakatelele. Dipoelo gape e sa ntse e le tuelelo ya setlha sa go dira ka natla. Fa montshakuno a kgona go lekanya dipoelo tsa sematlole tse di siameng mo peeletsong ya matlole ya ntlha ya gagwe mo polaseng, di kopanngwa le tiro le tsamaiso ya gagwe mo setlheng sotlhe,o tia moko go beeletsa gape mo kgwebong ya temothuo.



Mathata (risks)

Bantshakuno botlhe ba itse ka mathata a a fitlhelwang mo temothuong. Mo Aforikaborwa re ka tlhaselega bonolo ke maemo a loapi a a fapaaneng, mme go na ga pula go go sa lekalekaneng le go sa ikanyegeng go dira gore lephata la temothuo le tlhaselwe bonolo ke ditshwaetso tsa komelelo. Mathata a a a itsege, mme bantshakuno ba ba leng batsamaisi ba ba nonofileng ba ithulaganyetsa le go ipaakanyetsa dikgonagalo tseno ka fa ba ka kgonang ka teng.



Go na le dintlha tse montshakuno a ka di laolang jaaka go diragatsa mekgwa ya “tiragatso e e gaisang” ya balemirui: paakanyommu le mananeo a monontsha, go nosetsa masimo fa go kgonegang, theko ya peo ya boleng le monontsha le taolo ya mofero le disenyi e e nonofileng mo setlheng sotlhe. Ntlha e nngwe ya bolemirui e e laolesegang ke kitso ya montshakuno. Bantshakuno ba bantsi ba simolola ka thuto ya motheo mme ba amogela katiso ya temothuo e e kgethegileng go tswa dikholetšheng kgotsa dikhoso tse dikhutshwane jaaka tse di bonwang mahala ka Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA. Go ithuta ka maitemogelo le gona go na le seabe sa botlhokwa mo botshelong jwa montshakuno ka gonne o itse go itse polase ya gagwe le matswakabele a yona.



Bantshakunothoro ba lebagane le tlalelo

Bothata ke gore temothoro e itemogela tlalelo ya poelo ya gajaana! Ga go ise ka gope go jala sejalo go tlhoke bokao jaaka jaanong jaana. Montshakuno gajaana, jaaka go ise go ke go diragale pele, o rwele maikarabelo a go tsamaisa kgwebo ya gagwe ka kelotlhoko go bona katlego, mme se se raya gore o tshwanetse gore ka dinako tsotlhe a bo a tshwaragane le ditshenyegelo tsa kgwebo ya gagwe mme a tshwantshanya kgono ya kamogelo ya kgwebo e e farologaneng nngwe le nngwe kgotsa tiro ya mo polaseng, le kgono ya thobo go tswa ditirong tsa mo polaseng tsa gagwe. Ga go a lekana go nna fela montshakuno yo o siameng yo o itseng go bereka mmu ka matsetseleko, makheneke yo o tlhotlhwa kgotsa morui yo o manontlhotlho – ke go feta moo!



Jaaka bantshakuno, a re tlhantlhetse kgotsa a re tsamaisa kgwebo e e nang le poelo?

Matshosetsi a magolo thata mo katlegong ya ditiro tsa bolemirui ke se ka dinako dingwe se bidiwang “bosetlhogo jwa potlako” (the tyranny of the urgent). Se, ke bomadimabe, ka ke karolo e e tletseng ya mokgwatshelo wa bolemirui, e ka dinako dingwe e nang le go leka go kgona ka letsatsi le letsatsi go kampana le ditlalelo le dipatlego tsa letsatsi le lešwa lengwe le lengwe, se e nne tsela e dilo di dirwang ka yona. Go tsenya tlhogo thata mo mabakeng a a letsatsi le letsatsi go ka nna kotsi mo go itshetseng ga pakatelele ga kgwebo ya bolemirui fa go tlhola gore montshakuno a tlhokomologe ntlha ya togamaano le tsamaiso tse di masisi tsa bolemirui.



Tsamaiso ya polase ke tiro e e rileng e e amanang le togamaano le thulaganyo. E batla nako le boikgapo go na le go nna fela le “maikutlo a a siameng”. Montshakuno wa nnete mongwe le mongwe o na le maikutlo a a siameng fa diterekere tsa gagwe di siametse go taboga mo mebung e e letileng le e e nonneng – fela seo ga se ka metlha selo se se siameng go se dira! Sekao, setlha sa 2010 - 2011, balemi ba mmidi ba tshwanela go akanya ka kelotlhoko gore a go jala mmidi go tlaa ba tswela mosola gonne baitseanape ba tsa ikonomi ba Grain SA ba akanya gore tlamelo e e feteletseng ya gajaana ya dithoro e tlaa gatelelela ditlhotlhwa kwa tlase mme melapoelo e tlaa nna kwa tlase thata kgotsa e tlhokafale gotlhelele kwa ntle ga gore sengwe se se boitshegang se diragale go fetola setshwano se.



Montshakuno mongwe le mongwe o tlhoka go dirisa nako go dira dipatlisiso ka kgono ya polase ya gagwe. O sekaseka masimo a gagwe, maemo a matlole a gagwe le mathata (risks) a o ka kgona go a emela, badiri ba a tlaa ba tlhokang le gore ba tlaa mo ja bokae mme gape a akanye ka dikgono le maatla a gagwe. Tiriso e ke ka go baya tiragatso ya seikonomi go nna ya ntlha le go dira selo se se gaisang e le go netefatsa go ka bona poelo e e kwa godimodimo ka fa go ka kgonegang. Gakologelwa gore dipoelo di kgontsha go tshela!



Dikgaolo tse dikgolo tsa kgwebo tse di tlhokang peoleitlho le togamaano ke:



Ntshokuno

Ke dijalo dife tse di farologaneng tse ke yang go di ntsha? Ke ya go jala metswako efe? Ke bokanakang jwa polase jo bo siametseng jalodijalo sentle? Ke na le kgonophudiso e e kana kang ya loruo? A go na le tirego nngwe e e ka tshwanelang polase e, e nka e dirisang go tlaleletsa boleng mo dingweng tsa dikuno tse ke di jalang?



Tlamelo ka matlole

Ke ya go jala jang dijalo tse? A ke letlega go bona kemonokeng ya ntshokuno nngwe? A dibuka tsa me di ntse di tshotswe sentle ka nepo? A di tlhomamisetsa motlamelakamatlole yo o kgonang gore ke moporofešenale le go tshepega? A ke tlhoka go batla kgotsa go hira diterekere, didiriso le dilwana dingwe? Ke dintlha dife tse di ka tlhotlheletsang ditshenyegelo tsa me tsa ditsenngwateng?



Grain SA e na le boraikonomi ba ba beileng go wa le go tlhatloga ga ditlhotlhwa leitlho gammogo le metsamao ya mebaraka mme ka bonako jo bo kgonegang ba sedimosetsa bantshakuno mabapi le diphetogo tse di ka amang kgwebo. Bantshakuno ba tlhoka go bona ditsela tsa go nna ba na le tshedimosetso e e mo dinakong ka gale! Sekao sa tshedimosetso e e mo dinakong ka gale! Sekao sa tshedimosetso e e neetsweng ditokololo tsa Grain SA gangwe le gape mo lokwalodikgannyana la beke le beke ke se:





Tlhatlogo ya ditlhotlhwa tsa lookwane mo go Moranang

Petru Fourie (raikonomi wa temothuo: ditsenngwateng le Ntshokuno, Grain SA) 



Go ya ka tshedimosetso ya sešweng go tswa Central Energy Fund, tlhotlhwa ya peterolo e ka tlhatloga ka 51,5c litara. Ditlhatlogo tse di solofetsweng tse di ka amanngwa thata le koketso ya lekgetho le lekgethwana la Letlole la Dikotsi tsa Tsela, le le simololang go dira ka Moranang, ka ntlha ya fa dipalelo tsa Letlole la Maatla la Bogareng gajaana le supa fa go ntse le pusetso e e tlhaelang ya ditlhotlhwa tsa lookwane. Lekgetho mo diseleng le tlaa tlhatloga ka 17,5c litara, fa e le gore lekgethwana la Letlole la Dikotsi tsa Ditsela le tlaa tlhatloga ka disente tse 8 litara. Ka ntlha ya fa dikoketsego tseno di tlaa tlhola tlhatlogo mo phokoletsong ya montshakuno mo diseleng, tshwaetso e e feletseng mo tlhotlhweng ya montshakuno ya disele e tlaa nna tlhatlogo ya disente tse 42,5 litara.

 

(Nopolo go tswa Grain SA Newsletter week 10-12/03/2010)





Thekiso 

Go botlhokwa thata go tshola tsepamo ya kgwebo mo go se se batlwang ke mmaraka le se mmaraka o batlang go se duelela kuno. Ga go a lekana go dira ka natla le go senya madi a mantsi gore o ntshe kuno e ntle mme kwa morago o bo o lemoga fa tota go na le patlego e e kwa tlase ya kuno eo ya gago. Gongwe go bo go na le ntshokuno e e fetileng ka jalo tlhotlhwa ya nako eo e kwa tlase thata mo e leng gore tiro yotlhe mo dikgweding tsotlhe tseo e ntse tshenyo fela mme ga go na poelo e e tlaa dirwang! Peoleitlho e tshwanetse go tsepamisiwa ka kelotlhoko mo kunong ya bofelo ka kitso ya gore kuno e tlaa batliwa ke badirisi le gore o ka e tlamela ka tlhotlhwa e ba ratang go e e duelela e bile o bo o sa ntse o ka dira poelo.



Bantshakuno ba mmidi ba tlaa tshwanela go akanya ka ditlhophelo tsa bona mo setlheng se se tlang. Ditlhotlhwa tsa mmaraka di kwa tlase thata mme di tla nna jalo mo selekanyong se se kwa tlase jalo go fitlhelela go nna le dipoelo tse di lekalekanang tse di fodileng magareng ga tlamelo le patlego. Tiriso ya mmidi ya mo gae ya Aforikaborwa e ka nna palogareng ya ditono tse dimilione tse 9 ka ngwaga mme phopholetso ya fa gautshwane ya dijalo e baya thobo e e solofetsweng ya rona go ditono tse dimilione di le 12,8. Ka mafoko a mangwe, re jala mmidi o montsi thata ka jalo mmaraka o a betwa mme ditlamorago ke go re re tlaa tswelela go nna le ditlhotlhwa tse di kwa tlase tsa kuno ya rona go fitlhelela patlego ya mmidi e oketsega.



Go oketsa patlego ya dikuno tsa rona re tlhoka go sekaseka tse di latelang:

Go oketsa dithomelontle tsa mmidi;

Re jale mmidi o monnye le go emisa go betisa mmaraka;

Go simolola go fetolela lefitiso la dithoro go ethanolo; le

Go emisa go romela teng nama ya kolobe, nama ya koko le mae mme bogolo re oketse ntshokuno ya rona ya dikuno tse.



Go na le diketekete tsa bantshakuno (ba bagolo le ba bannye) le dimilionemilione tsa diheketara tse di ka tsenngwang mo ntshokunong fa mebaraka ya mmidi e ne e ka atolosiwa e le gore re oketse patlego mme ka jalo re oketse ditlhotlhwa. Bantshakuno ke bagwebi mme poelo e botlhokwa thata mo boitshegeletsong.

